| Dumelang Betsho Kene tota kere malebo a magolo, go lona Bakwena le botlhe ba ba dirileng gore peo ya Kgosi e tsabakele, bogolo jang malebo go kgotobela rre Sebego, yo oneng a re emetse bo eseng- mang ka botswapelo tota. Kere morena Sebego Mathaka a Matlotla - Kgosi ba tlaa lala ba iphile sehuba sa phohu, ba tlhoka go e lwa tlhoko thata. Mme tota kare wena ka madi a a botokanyana a bogosi ka ibile rrago mogolwagolwane a kile a batla go botshubula bogosi ja Kwena bogologolo, a ko o ikatametse Kwena e direle ka bonako, e bolotse mophato wa rona jaanong, o o tlaa gwetlhang mophato o o magala masuke o, wa Motlotla - Kgosi. Kana nna ga keitse gore rene re ne re ntse re tlogelelwang re ne rele gaufi ka dingwaga jaana. Mme fa re fiwa leina, ga re batle la bo Matshaba - kgomo kana Magora - kopi monna Sebego. Thapelo a ko a le akanye, le bo leisiwa for approval ko Matlhogo tshweung, kana golo fa ke tla ka diphetogo monna. Tlholang sentle betsho Sehularo T Mogopodi |